4. Pina Ya Bone - Ga ona le bothata
Maikaelelo
Gatelela thuto ya go bua, fa gona le bothata, ga go sena yoo reetsang tswelela o bue go fitlhela mongwe a reetsa.
Go re ba bolelele mongwe ka mathata a bone, go bokete ebile go thata. Jalo ba kanna ba retelelwa ke go dirisa mafoko mangwe, le go tshaba batsadi gore baka ba, leba jang.
Ga re ruta bana ka go bolela , re tshwanetse go ba baakanya maikutlo gore baitsi gore baka, kopana le batho baba ka tsibogelang seemo kgotsa dikgang tsa bone jang.
Dikai:
a) Bagolo baka kgona go tenega
b) Bagolo ba kgona gosa dumele go re ba bua boammaaruri mme baba bone molato. c) Ngwana o kgona go tshosediwa gore a seka a bolelela ope.
d) Ngwana o kgona go bolelelwa gore ke sephiri.
Nltha ya bolhokwa ke go ruta bana gore fa go sena yoo dumelang se ba sebuang, kana gotwe ba dire sephiri, kana bagolo basa tsee kgato epe, ba tshwanetse: “go tswelela ba bua go fitlhela mongwe a bareetsa.
”Ba Seka Babo Ba Ineela”
Fa bana maina a batho baba ka ba tshepang kgotsa ba bua le bone, ga gona le bothata.
Sekai:
Mme
Ntate
Ntatemogolo
Rakgadi
Malome
Morutabana
Mogokgo
Nnkgonne
Moagisane
Mooki
Mokgothatsi
kana Moruti.
Maikutlo
Go botlhokwa gore o bolelele bana gore baka ikutlwa jang, nako ya fa ba bolela ka kgang e
.
a) O ka ikutlwa o swaba, go bua ka mathata a o nnileng le one, mme ga gona molato.
b) O ka bona gole thata go dirisa mafoko a a saimeng, jalo tlhalosa kafa o ka kgonang ka teng.
c) Pelo ya gago eka iteela ko godimo, e betsa ka bonako, le lentswe la roroma, mme tswelela o tlhalose kafa o ka kgonang ka teng, o wetse dibete.
d) O ka bona fa gongwe gore o bue gole gonnye tsatsi le letsatsi, kana wa kwala lokwalo.
-Ba gakolole go batla tsela ee ba siametseng go bua,
le go bua kgotsa go bolelela motho o sele ga basa reediwe.
Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego
Go botlhokwa thata go bolela, fa gona le
mongwe yo a go lematsang, kana a tshwara dikarolo tsa gago tsa bong. Lefa o ka ikutlwa o tshaba kana o boifa, o tshwanetse go le ka thata go bolela. Go na le batho bale bantsi ba o kaba bolelelang jaaka: mme, rre, nkuku, ntatemogolo, mmangwane, malome, morutabana, ntsala, moagisane, batsadi ba tsala ya gago, mapodisi, baoki le babangwe. Jaanong ga o bolela mme go sena ope yoo go dumelang, kana ba go raa bare e nne sephiri, o bo o leka go bolelela yo mongwe mme ba ntse bas a go dumele, tswelela fela o bolela go fitlhele mongwe a reetsa. O seka w aba wa ineela!
Ga ona le bothata - mafoko
Ga ona le bothata, mme o sa itse gore oka dira jang,
bolelela mongwe go fitlha a go reetsa
O tshwanetse wa batla mongwe yo o ka mmolelelang bothata jwa gago
Ga onale bothata, bata motho yoo ka go reetsang
Bua le mmago,rrago kana rrago mogolo
Mmangwaneago, malomaago kana morutabana ko sekolong
O tshwanetse go tswelela o bua go fitlhela mongwe a go reetsa
Ga ona le bothata, tswelela o bua gofitlhela mongwe a go reetsa
Ga ona le bothata bata mongwe o mmolelele
Ga mongwe a go lematsa,
mme osa itse gore o ka dira jang,tsamaya o e go bolela,mongwe
Gofitlhela a go reetsa, o tshwanetse wa batla mongwe yoo ka mmolelelang bothata ja gago
Ga ona le mathata, batla yoo ka go reetsang
Bua le moagisane wag ago,morutabana wag ago ko sekolong,mongwe yoo motshepang kana yoo moitsing,
Go bua le mongwe ka mathata a gago go botlhokwa Tswelela o bolela go fitlhela ,mongwe a reetsa
Ga ona le bothata, bata mongwe yoo ka mmolelelang Ga ona le mathata,tswelela o bua gofitlhela ba go reetsa
Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana

Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019
